Mogapinyana_Bot50

Mogapinyana_Bot50

Share

Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from Mogapinyana_Bot50, Mogapinyana.

Mokhaselara Wa Lona
A Page for all updates, events, meetings, announcements, motivation, encouragement, and information sharing by Hon Councillor Felicity Keleeme, Mogapinyana Ward

05/03/2018

Vision ya tshela....

TONA MZWINILA O AKGOLA VDC YA MOGAPINYANA

Mothusa tona wa tlhabololo banana, motshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o akgotse komiti ya ditlhabololo (VDC) ya Mogapinyana ka go fa ba lelwapa la ga Mabele seriti ka go ba agela ntlo.

Fa a bula ntlo eo semmuso bosheng, Rre Mzwinila o akgotse VDC ya Mogapinyana go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego ba dirisa dikatso tsa bone tsa VDC.

A re dikatso tsa VDC ga se madi a mantsi mme maloko a komiti e a kgonne go agela motlhoki ntlo.

O ba kgothaditse go tswelela ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo banning ba motse o, mme a lebogela kemonokeng e ba e fileng puso ya lefatshe leno.

A re puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo seabe sa Batswana se botlhokwa go thusa bangwe ka bone.

A re Batswana go tewa tshaba e e tlotlang puso ya batho ka batho, e e ratang kagiso le thokgamo e bile e thusa ba bangwe.

A re lefatshe leno le se e leng sone ka mowa wa boipelego le kutlwelobotlhoko, ka jalo go botlhokwa go tsamaya mo dikgatong tsa bagologolo ba e leng bone ba thaileng lefatshe leno, go tlhabolola lefatshe leno le go fa Batswana ba ba tlhokileng lesego seriti.

Rre Mzwinila yo o nnileng le seabe mo go thuseng VDC go aga ntlo e, o itlamile go thusa VDC ka P1 000 fa ba agela motlhoki yo mongwe ntlo.

Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Mogorosi Kokoro le ene o akgotse VDC ka dikakanyo le tlhabololo e ba e dirileng.

A re se ba se dirileng se tsamaelana le lenaneo la tlhabololo magae le le ka fa tlase ga lephata la boipelego.

Leloko la komiti ya ditlhabololo, Mme Esther David a re go ne go se motlhofo go aga ntlo e mme a lebogela gore kwa bofelong ba kgonne go fetsa ntlo e mme ba e abela lelwapa la ga Rre Keeme Mabele.

A re bagologolo ba re sejo sennye ga se fete molomo, ka jalo ba ile ba tsaya bontlha bongwe jwa dikatso tsa bone go agela ba lelwapa le.

A re Rre Mabele o ne a sena fa a bayang tlhogo teng mme ba nama ba mo adimile ntlo ya VDC ba santse ba mo agela.

O lebogetse botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo e mme a kopa kemo nokeng ya banni ba Mogapinyana, bogolo jang mo ditirong tsa kutlwelobotlhoko.

Fa a amogela ntlo eo, Rre Keeme Mabele o lebogetse ntlo e mme a itlama go e tlhokomela. (BOPA)

Photos 17/10/2017

Be counted, Botswana wa Rona..Mogapinyana a le moteng

Photos 29/09/2017

Good morning Bakgopeng

Tsholetsa flag ya Botswana gongwe le gongwe ha o leng teng.
Ke nako ya go ipela....51yrs Modimo a re babaletse re ipusa.
Happy Independence and wish all those travelling to mafelo a farologanyeng tshireletsego mo ditseleng.
Bot50+

Photos from Mogapinyana_Bot50's post 07/03/2017

Thanksgiving Sunday!
As the village joined the nation to say thank you Lord God for the rain!
Mogapinyana mo teng!

05/03/2017

Sharing the Word of God, Moses Medupe....and God answered ka p**a ya medupe ruri!

Photos from Mogapinyana_Bot50's post 18/02/2017

Bot50 Legacy still continues;
A Compassionate and caring nation....as displayed by Kgosi Moroka, one of our Tribal leaders mo Tswapong region. Leading by example. 7th February 2017

Photos from Mogapinyana_Bot50's post 10/10/2016

Bot50 Mogapinyana in pictures, big or small we thank God with his Peace and Love!

Photos from Mogapinyana_Bot50's post 10/10/2016

Bot50 in pictures..Our People...athletics made a day, go sena tsapa lefisang pelo!

Want your business to be the top-listed Government Service in Mogapinyana?

Click here to claim your Sponsored Listing.

Location

Telephone

Website

Address


Mogapinyana
00267