30/05/2026
NOTICE OF EXTENSION FOR RECEIPT OF APPLICATIONS AND RESCHEDULING OF ELECTIONS FOR VILLAGE/WARD DEVELOPMENT COMMITTEE MEMBERSHIP
Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from Moshupa District Council, Government Organization, Private Bag 004, Moshupa.
30/05/2026
NOTICE OF EXTENSION FOR RECEIPT OF APPLICATIONS AND RESCHEDULING OF ELECTIONS FOR VILLAGE/WARD DEVELOPMENT COMMITTEE MEMBERSHIP
30/05/2026
PLEASE TAKE NOTE:
29/05/2026
DIALOGANE TSA LEPHATA LA IKAGENG
Mosong ono, 29 Motsheganong go ne go le boitumelo jo bogolo thata ko motseng wa Magotlhwane jaaka baithuti ba le 57 ba ne ba aloga morago ga go ithutela tiro ya diatla e e amanang le boitseanape jwa kago. Fa a amogela baeng kwa moletlong o, Kgosi J.M. Phiri o tlhalositse fa a le mototo thata ka gonne baithuti bao ba dirile bontle mo kgaolong. O ne a kopa baeteledipele le setshaba gore fa ba tlhoka badiri gope fela ba thape dialogane tse gore ba seka ba kokonelwa ke go tlhoka ditiro. Kgosi Phiri o ne a itsese dialogane fa a ba eleletsa katlego mo isagong ya bone.
Baithuti ba, ba ne ba abelwa ditlankana tsa dithuto tse di akaretsang; go aga, go gokela motlakase, go gokela metsi, go penta le go rulela morago ga go rutintshiwa ke baitseanape ba sekolo sa tiro ya diatla sa CITF.
Mopalamente wa kgaolo ya Moshupa/Manyana Mototlegi Karabo Gare fa a neela molaetsa, o ne a galaletsa dialogane gonne ga ba ipona tsapa go ikwadisetsa dithuto tse ka fa tlase ga lenaneo la Ikageng. Mototlegi Gare o ne a rotloetsa sechaba go dirisana le dialogane ka gonne ba supile fa ba na le bokgoni jaaka ba kgonne tsosolosa matlo a barutabana a le mabedi mme jaanong a le mo seemong se se kgatlhisang fela thata. O ne a tswelela a tlhalosa fa seemo sa itsholelo se ka tokafala fa re ka fokotsa go hira batswakwa mme ra neela beng g*e sebaka gore dipoelo tsa madi di tokafale mo g*e.
Fa a akgola dialogane morutuntshi Rre Hule go tswa CITF o rurifaditse gore ba nonofile go ya ka dithutego tse ba di amogetseng. O ne a rotloetsa dialogane go dira ka bonatla fa ba filwe tiro gore maduo a ditiro tsa bone a ba buelele, a ba bulele dikgoro go ya pele.
Baithuti ba ne ba abelwa ditlankana le didirisiwa tsa kago tse di tla ba thusang go simolla tiro. Magareng ga bone; Gordon Motsamai le Boitumelo Ntsimako ba supilwe e le bone baithuti ba ba tsereng maemo a ntlha mo dithutong tsa bone.
Mmueledi wa dialogane Rre Aobakwe Koketso o ne a supa fa ba itumetse thata ka gonne Ikageng e tlokafaditse matshelo a bone. O ne a tshepisa fa ba tla dira ka botswerere gore ba kgone go itshetsa ka dithutego tse.
Moleto o ne wa tswelela ka mmino le poko mme Motlotlegi Kabo Ramatsipele wa Magotlhwane fa a tswala o ne a leboga thata gore motse wa Magotlhwane o bone dithutego le matlo ka ntlha ya lenaneo la Ikageng. O ne a tlhalosa gore kgaolo e, gammogo le tse di mabapi di tlhokana le mananeo a mofuta o ka gonne ga gona sekolo sa tiro ya diatla mo tikologong ya bone. Le fa go ntse jalo o boletse fa a tshepa thata gore lenaneo la Ikageng le tla tswelela le rutuntsha ba le bantsi mo kgaolong ya Moshupa ka bophara.
27/05/2026
KITSISO
Access Bank e tla bo e bula di-account for batho botlhe ba ba kwadisitsweng go fiwa dithuso ke ofisi ya boipelego.
25/05/2026
Ikageng Public Works Programme Graduation
On Friday, 29 May 2026, the Class of 2026 will officially graduate from the Ikageng Public Works Programme during a ceremony at Magotlhwane Primary School.This initiative is part of the Government and Council's ongoing efforts to build capacity and drive community based training needs across the district.
25/05/2026
EXPRESSION OF INTEREST FOR INCLUSION INTO DATABASE
FROM DEPT OF AGRICULTURE- MOSHUPA
25/05/2026
NATIONAL POLIO VACCINATION CAMPAIGN FIRST ROUND- UPDATE
25/05/2026
Support local entrepreneurs and discover homegrown products at Moshupa District Market Day.
🗓 Friday, 29 May 2026
⏰ 10:00 – 14:00
📍 Open Space next to Pep Store
Come buy, connect, and celebrate local enterprises.
22/05/2026
Day 4 of Full Council Session. Today's agenda focused on deliberations and comments by Honorable Councilors regarding the Council Chairman's Keynote Speech. The session has adjourned and will resume for Day 5 on Monday 25 May 2026, at 0900am.
| Monday | 07:30 - 16:30 |
| Tuesday | 07:30 - 16:30 |
| Wednesday | 07:30 - 16:30 |
| Thursday | 07:30 - 16:30 |
| Friday | 07:30 - 16:30 |